John 1

Modimo jaaka Lefoko

1
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Johane 1:2.
2
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Johane 1:1-2.
Erile pele ga tlholego ya dilo tshotlhe, Keresete a bo a ntse a le teng le Modimo. Ga a bolo go nna a tshela mme a le Modimo ka sebele.
3O tlhodile sengwe le sengwe se se leng teng, ga gona sepe se se tshelang se se sa tlholwang ke ene.

4Botshelo jo bo sa khutleng bo mo go ene, mme botshelo jo bo naya batho lesedi. 5Botshelo jwa gagwe ke lesedi le le phatsimang mo lefifing, mme lefifi ga le kake la tima lesedi.

6
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Johane 1:7.
7
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Johane 1:6-7.
Modimo o ne wa roma Johane wa Mokolobetsi e le mosupi wa gore Jesu Keresete ke lesedi la Boammaaruri.
8Johane e ne e se lesedi ka boene; o ne a le mosupi wa lone fela. 9Moragonyana, yo e leng ene lesedi la boammaaruri a goroga go tla go phatsima mo go mongwe le mongwe yo o tlang mo lefatsheng.

10Mme le fa tota a dirile lefatshe, lefatshe ga le a ka la mo itse fa a sena go tla. 11
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Johane 1:12.
12
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Johane 1:11-12.
Le fa e le mo lefatsheng la ga gabo le mo go ba ga gabo ebong Bajuta, ga a a ka a amogelesega. Ba se kae fela ba ne ba mo amogela. Mme botlhe ba ba neng ba mo amogela, o ne a ba naya tshiamelo ya go nna bana ba Modimo. Gotlhe mo ba neng ba tlhoka go go dira, e ne e le go mo ikanya gore a ba boloke.
13Botlhe ba ba dumelang se, ba tsalwa sesha eseng ga senama mo go tswang mo thatong ya motho kgotsa leano; mme go tswa mo go rateng ga Modimo.

14Mme Keresete a nna motho mme a nna mo lefatsheng mo gare ga rona a tletse lorato lwa boitshwarelo le boammaaruri. Bangwe ba rona ba bonye kgalalelo ya gagwe; kgalalelo ya Morwa yo o esi wa ga Rara wa Legodimo!

15Johane a mo supegetsa batho, a bolelela batho ba le bantsintsi a re, “Yo ke ene yo ke neng ka bua ka ga gagwe ke re, ‘Mongwe o e tla yo o mphetang go menaganye; gonne ga a bolo go nna pele ga ke tsalwa.’ ”

16Rotlhe re amogetse mahumo a a tswang mo matlhogonolong a gagwe a o a re lereditseng, letlhogonolo mo godimo ga letlhogonolo go koegilwe mo go rona! 17Gonne Moshe o re neetse molao fela o o nang le maikaelelo a a thata go tshegediwa, le tshiamo e e senang kutlwelobotlhoko, fa Jesu Keresete ene a re lereditse lorato le boitshwarelo. 18Ga go na ope yo tota o kileng a bona Modimo ka matlho, fa e se Morwawe fela a le esi yo o mmonyeng, gonne ke mopati wa ga Rara ebile o re boleletse gotlhe ka ga Ene.

Johane o tlhalosa go tla ga ga Jesu

19Baeteledipele ba Sejuta ba roma baperesiti le bathusi ba bone go tsweng kwa Jerusalema go botsa Johane gore a o ne a ipitsa Mesia. 20Mme a ganela mo go senang gotwe sepe. A re, “Ga ke Keresete.” 21Mme ba mmotsa ba re, “Go siame, jaanong o mang? A o Elija?” A fetola a re, “Nnyaa.” “A o moporofiti?” “Nnyaa.”

22“Jaanong o mang? Re bolelele gore re tle re kgone go neela ba ba re romileng karabo. Wa reng fa o ikarabela?” 23A fetola a re, “Ke lentswe le le tswang mo sekakeng se se senang sepe, ke goa fela jaaka Isaia a porofitile a re, ‘ipaakanyetseng go tla go Morena’.”

24
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Johane 1:25.
25
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Johane 1:24-25.
Mme ba ba neng ba romilwe ke Bafarasai ba mmotsa ba re, “Fa o se Mesia kgotsa Elija kgotsa moporofiti, o tsaya kae tetlelelo ya go kolobetsa?”
26Johane a ba raya a re, “Ke kolobetsa fela ka metsi, mme mo gare ga bontsintsi jwa batho, go na le mongwe yo lo iseng lo ke lo rakane nae. 27Yo o tlaa tlogang a simolola tirelo-Modimo mo go lona, mme ga ke a lekana go nna le fa e le lekgoba la gagwe.”

28Tiragalo e e ne ya diragala kwa Bethania, motse o o ka fa ntlheng e nngwe ya Noka ya Jorodane kwa Johane o neng a kolobetsa teng.

29Letsatsi le le latelang Johane a bona Jesu a tla ntlheng ya gagwe mme a re, “Bonang! Kwana ya Modimo e e tlosang boleo jwa lefatshe! 30Ke ene yo ke neng ke bua ka ga gagwe ke re, ‘Monna yo o mphetang thata o tlaa tloga a tla ka bofefo, yo o sa bolong go nna pele ga me!’ 31Ke ne ke sa itse gore ke ene, mme ke fano ke kolobetsa ka metse gore ke mo supe mo chabeng ya Iseraele.”

32Mme Johane a bolela ka go bona Mowa O O Boitshepo o fologela mo go Jesu o le mo setshwa-nong sa lephoi o tswa kwa legodimong.

33Gape Johane a re, “Ke ne ke sa itse gore ke ene, mme erile ka nako e Modimo o neng o nthoma ka yone go tla go kolobetsa wa re, ‘Fa o bona Mowa O O Boitshepo o fologa o nna mo mongweng, ke ene yo o mmatlang. Ke ene yo o kolobetsang ka Mowa O O Boitshepo.’ 34Ke bonye go diragala mo monneng yo, mme ke sone se ke supang gore ke Morwa Modimo.”

Barutwa ba ntlha ba ga Jesu

35Letsatsi le le latelang fa Johane a eme le barutwa ba bangwe ba le babedi, 36Jesu a feta gautshwane le bone. Johane a mo leba thata mme a bua a re, “Bonang Kwana ya Modimo!”

37Mme barutwa ba babedi ba ga Johane ba retologa ba sala Jesu morago!

38Jesu a retologa a ba bona ba mo setse morago. Mme a ba botsa a re, “Lo batlang?” Ba mo raya ba re, “Rra, o nna kae?”

39A ba raya a re, “Tlang lo bone.” Mme ba ya le ene kwa a neng a nna teng mme ba nna nae lobaka lo e neng e ka nna go simologa nako ya bone mo tshokologong go fitlhelela go nna lotlatlana. 40(Mongwe wa banna ba e ne e le Anderea Monnaa Simone Petoro).

41Mme Anderea a ya go senka Petoro mogolowe a mo raya a re, “Re bonye Mesia.” 42Mme a isa Petoro kwa go Jesu. Jesu a tlhoma Petoro matlho le mogopolo ka lobakanyana mme a re, “O Simone, morwa Johane, mme o tlaa bidiwa Petoro, ke gore Lefika!”

43Letsatsi le le latelang Jesu a ikaelela go ya Galalea. Mme bona Filipo a mo raya a re, “Ntshala morago.” 44Filipo a ya go senka Nathaniele mme a mo raya a re, “Re bonye Mesia! Ene tota motho yo Moshe le baporofiti ba boletseng ka ga gagwe! Leina la gagwe ke Jesu, morwa Josefe yo o tswang Nasaretha!”

45Nathaniele a hakgamala a re. 46“Kwa Nasaretha! a gona le sengwe se se siameng se se ka tswang teng?” Filipo a re, “Tla fela o iponele.” 47Ya re ba atamela Jesu a re, “Monna yo o ikanyegang ke yo o e tla, Moiseraele wa boammaaruri.”

48Nathaniele a re, “O nkitsile jang?” Mme Jesu a fetola a re, “Erile o le ka fa tlase ga setlhare sa mofeige, Filipo a ise a go bone, ke ne ke go bona.”

49Nathaniele a fetola a re, “Rra, O Morwa Modimo, Kgosi ya Iseraele!”

50Jesu a mmotsa a re, “A o dumela gotlhe mo fela ka gore ke go boleletse gore ke ne ka go bona ka fa tlase ga setlhare sa mofeige? O tlaa bona ditshupo tse dikgolo go na le tse. 51O tlaa bo o bone le legodimo le atlhamologa le baengele ba Modimo ba boaboela ba tla kwa go nna, Monna wa kgalalelo.”
Copyright information for TsnLEF